Jump to content

Lucas Mangope

Go tswa ko Wikipedia

Tautona ya Bophutatswana

[fetola | Fetola Motswedi]

Moeteledipele Mangope ne a tsena sekolo sa borongwa sa Anglican bontsi jwa nako ya gagwe ya sekolo. O dirile marematlou kwa Kholetšheng ya St. Peter, kwa Rosetenville kwa Johannesburg ka 1946[1]. Morago ga marematlou, o ne a ikwadisetsa Dipoloma ya Borutabana ba Babotlana kwa Kholetšheng ya Katiso ya Barutabana ya Diocese kwa Polokwane (e ka nako eo e neng e bidiwa Pietersburg). O ne a ithutela go ya kwa sekolong se segolwane sa poraemari kwa Kholetšheng ya Bethel kwa Teransevaal go tloga ka 1951. Fa a sena go aloga o ne a simolola go ruta mme a dira tiro ya go nna morutabana wa Seaforikanse . O ne a ruta kwa dikolong tse dikgolwane kwa Mahikeng, Motswedi, Krugersdorp le Potchefstroom mme o ne a abelwa ka 1959 fa nngwe ya diphaposi tsa gagwe e ne e bona dipholo tse di gaisang tsa Seaforikanse mo dikolong tse di neng di gaisana mo Aforikaborwa. [2]

  1. The Black Homelands of South Africa "d0e4435" (cdlib.org)
  2. 2018. Lucas Manyane Mangope. Motsweding FM. Accessed 13 March 2018.